Additional Resource

COVID-19 Pego e Ntšha (Tswana)

Pego e Ntšha: Diphuthego tsa Maloko a Kereke di Emisitswe ka Nakwana Lefatshe ka Bophara

Baeteledipele ba Selegae ba tlaa gakololana ka fa baka dirang gore maloko a nne le sakaramente gongwe gangwe mo kgweding

Boporesidente jwa Ntlha le Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi ba Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba romela lekwalo le le latelang Mopitlo 12, 2020, go Maloko a Kereke lefatshe ka bophara.

Go Bakaulengwe le Bokgaitsadi

Jaaka re solofeditse mo lekwalong la rona la Mopitlo 11, 2020, re tswelela ka go elatlhoko diemo tse di fetogang tsa COVID 19 go ralala lefatshe. Re akantse ka kêlelelo kgakololo ya Baeteledipele ba Kereke ba selegae, badiredi ba puso le baitsayanape ba botsogo, mme re batlile kaelo ya Morena mo kgannyeng e. Jaanong re lo neela dikaelo tse di latelang tsa pego e ntšha.

Go simolola gone jaana, diphuthego tsotlhe tsa phatlalatsa tsa maloko a Kereke di emisitswe ka nakwana lefatshe ka bophara go fitlhelela go itsisiwe. Tse di akaretsa:

  • Dikhonforense tsa Lomapo, dikhonforense tsa baeteledipele le diphuthego tse dingwe tse di tona
  • Ditirelo tsotlhe tsa dikobamelo, go akaretsa le diphuthego tsa sakaramente
  • Ditiro tsa lekala, wate le lomapo

Fa go kgonega, tswee tswee tshwarang diphuthego dipe tse di botlhokwa ka botegeniki. Dipotso tsa tlhomamo di ka fitisediwa kwa baeteleding pele ba boperesiti ba selegae. Kaelo e nngwe e e leng ya dikgang tse dingwe e tlaa neelwa.

Bobishopo ba tshwanetse go gakololana le boporesidente ba bone ba lomapo go tlhomamisa ka fa baka dirang gore maloko a nne le sakaramente gongwe gangwe mo kgweding.

Re rotloetsa maloko mo matsapeng a bone go direla le tlhokomelelana. Re tshwanetse go sala morago sekao sa Mmoloki sa go segofatsa le go tsholetsa ba bangwe.

Re fa bopaki jwa lorato lwa Morena sebaka se sa nako ya dipelaelo. O tlaa go segofatsa go bona boitumelo fa o dira gotlhe go tshela efangele ya ga Jeso Keresete mo seemong sengwe le sengwe.

Re le beno,

Boporesidente jwa Ntlha le Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi

Style Guide Note:When reporting about The Church of Jesus Christ of Latter-day Saints, please use the complete name of the Church in the first reference. For more information on the use of the name of the Church, go to our online Style Guide.